MOLAOTLHOMO O O TLHABOLOLWANG WA GO SENYA MPA
Jaaka o itsesitswe kwa Kgotlapeomolaong ya Bosetšhaba jaaka Molaotlhomo wa karolo ya 76; tshobokanyo ya tlhaloso ya Molaotlhomo o o phasaladitsweng mo Kaseteng ya Mmuso ya bo ya Diteng tsa Setswana ke diteng tsa semmuso tsa Molaotlhomo
TONA YA BOITEKANELO
SE
TLHALOSO KA KAKARETSO:
Mafoko a a tlantsweng ka ditlhaka tse kgolo ka mo masakaneng a bontsha mafoko a a tlogetsweng mo ditiragatsong tse di leng teng.
 ... Mafoko a a thaletsweng ka mola o mokima a bontsha mafoko a a tsentsweng mo ditiragatsong tse di leng teng.
MOLAOTLHOMO
Go tlhabolola Molao wa Tlhopho ya go Senya Mpa, wa 1996, gore go phimolwe tlhaloso le go tsenya tse dingwe; go naya Mokhuduthamaga dithata tsa go rebola ditlamelo tse go ka senngwang mpa kwa go tsona; go golola ditlamelo tse di nayang tirelo ya baimana ya diura di le 24 mo tlhokegong ya gore ba bone tetla ya ditirelo tsa go senya mpa mo mabakeng a a rileng;go dira tlamelo ya gore go kwalwe tshedimosetso le gore go tlhagisiwe dipalopalo; go kgontsha bakhuduthamaga go dira melawana, gammogo le go tlamela ka merero e e amanang le ono.
FA GO LAOTSE Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, jaana:-
Tlhabololo ya Karolo 1 ya Molao wa bo 92 wa 1996
Karolo 1 ya Molao wa Tlhopo ya go senya Mpa wa 1996 (e e kaiwang jaaka Molao mogolo) e tlhabolwa jaana-
a ka go tsenya tlhaloso e e latelang fa morago ga tlhaloso ya "paka ya boimana" :
Tlhogo ya Lefapha' e kaya tlhogo ya lefapha la porofense la boitekanelo;"
b ka go tsenngwa fa morago ga tlhaloso ya "ngaka" ga tlhaloso e latelang:
Mokhuduthamaga ' O kaya tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga ya porofense yo o rweleng maikarabelo a boitekanelo mo porofenseng eo ";
c ka go phimolwa ga tlhaloso ya "mooki yo o katiseditsweng go belegisa yo o kwadisitsweng";
d ka go tsenya tlhaloso e e latelang fa morago ga tlhaloso ya "petelelo":
mooki yo o kwadisitsweng' o kaya motho yo o kwadisitsweng jalo ka fa tlase ga Molao wa Booki wa 1978 (Molao wa bo50 wa 1978), mme a tsenetse katiso e e rebotsweng go ya ka Molao ono;".
Kemedi ya karolo ya 3 ya Molao wa bo 92 wa 1996
Karolo e e latelang jaanong e emela karolo ya 3 ya Molaomogolo:
Lefelo le go ntsha mpa go ka diragalang kwa go lona
 Go ntsha mpa go ka diragala fela kwa setheong se -
a se kgontshang gore go fitlhelelwe badiri ba bongaka le booki;
b se kgontshang gore go fitlhelelwe boarelo;
c e nang le didiriswa tse di maleba tsa karo;
d se tlamelang ka melemo ya meento e e entiwang ka tlhamalalo mo ditshikeng le mo mesifeng;
e se nang le didiriswa tsa tshoganyetso tsa tsosoloso gammogo le phitlhelelo ya tikwatikwe gongwe setheo sa tshoganyetso se go ka fetisediwang kwa go sona sa tshoganyetso;
f se kgontshang gore go fitlhelelwe dipalangwa tse di maleba fa go ka nna le tlhokego ya phetiso ya tshoganyetso;
g se nang le ditlamelo le didiriswa tsa tlhokomelo ya kalafi le phitlhelelo ya ditlamelo tsa balwetsi ba ba robaditsweng ka fa gare;
h se nang le dithulaganyo tse di maleba tsa taolo ya malwetse;
i se kgontshang gore go fitlhelelwa ditlamelo tse di babalesegileng tsa go tlosa leswe;
j se nang le thulaganyo ya tlhaeletsano ya mogala; mme;
k Se rebotswe ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng.
Mokhuduthamaga a ka gogela morago thebolo nngwe le nngwe e e rebotsweng go ya ka karolwana 1k.
Setheo sengwe le sengwe sa boitekanelo se se nang le tirelo ya baimana ya diura di le 24, mme se ikobela ditlhokego tse di kailweng mo karolwaneng 1a go ya go j, se ka senya dimpa tsa go ya go, le go akaretsa dibeke di le 12 ntle le go tlhoka go bona thebolo ya Mokhuduthamaga.
Mokhuduthamaga o tla tlhagisa kwa go Tona, gangwe ka ngwaga, dipalopalo tsa ditheo dingwe le dingwe tse di rebotsweng mo ngwageng oo.
Go sa tlhokomologwe sepe se se ganetsanang le Molao ono, Tona a ka dira dingwe le dingwe tsa ditiro tse Mokhuduthamaga a ka, gongwe a tshwanetseng go di dira, fa go tlhokega gore di dirwe gore go fitlhelelwe maitlhomo a Molao ono."
Tlhabololo ya karolo ya 7 ya Molao wa bo 92 wa 1996
Karolo ya 7 ya Molaomogolo e tlhabololwa jaana-
a ka go emelwa ga mafoko a a mo karolwaneng 3 ke mafoko a a latelwang ke peelo ya mafoko a a latelang:
Motho yo o laolang setheo se se kailweng mo karolong ya 3, mo sebakeng sa kgwedi morago ga go ntshiwa ga mpa kwa setheong seo, o tla kokoanya tshedimosetso e e rebotsweng mme a e romele ka lekwalo le le rejisetarilweng ka sephiri go [Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha"; le b ka go emelwa ga karolwana ya 4 ya karolwana e e latelang:
[Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha e tla-
a tshola rekoto ya tshedimosetso e e rebotsweng e a e amogelang go ya ka karolwana ya 3; le b go tlhagisa go tshedimosetso e e kabakanngwang mo temeng a go Mokaedikakaretso mo dikgweding dingwe le dingwe di le thataro.".
Kemedi ya karolo ya 8 ya Molao wa bo 92 wa 1996
Karolo e e latelang jaanong e emela karolo ya 8 ya Molaomogolo:
Go rolela dithata
 [Tona] Mokhuduthamaga , ka mabaka a a tla laolwang ke ena, a ka rolela ka go kwala go [Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha gongwe motlhankedi mongwe fela yo o mo tirelong ya Mmuso, dithata tse di neilweng [Tona] Mokhuduthamaga ka, gongwe ka fa tlase ga Molao ono, ntle le dithata tse di kailweng mo karolong ya 9.
) Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha, ka mabaka a a tla laolwang ke ena, a ka rolela ka go kwala go motlhankedi mongwe fela yo o mo tirelong ya Mmuso, dithata tse di neilweng Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha ka, gongwe ka fa tlase ga Molao ono, gongwe tse di roletsweng mo go ena ka fa tlase ga karolwana .
[Tona gongwe Mokaedikakaretso] Mokhuduthamaga gongwe Tlhogo ya Lefapha ga a kitla a amogwa dithata dipe fela tse a di roletseng go mongwe, mme ga a tshwanela go fetola gongwe go beela thoko tshwetso epe fela e e tserweng ke motho yo o neng a diragatsa dithata tse di roletsweng mo [go ena] mothong yoo".
Kemedi ya karolo ya 9 ya Molao wa bo 92 wa 1996
Karolo e e latelang jaanong e emela karolo ya 9 ya Molaomogolo:
Melawana
[Tona] Mokhuduthamaga, ka puisano le Tona, a ka dira melawana e e malebana le morero mongwe le mongwe fela o [a ka o akanyang] o le botlhokwa gongwe o tshwanetse go rebolwa gore [go fitlhelelwe maitlhomo] go tsenngwe tirisong Molao ono ka tolamo.".
Tlhabololo ya karolo ya 10 ya Molao wa bo 92 wa 1996
Karolo ya 10 ya Molaomogolo jaanong e tlhabololwa ka kemedi ya karolwana ya karolwana e e latelang:
Motho mongwe le mongwe yo -
a e seng ngaka gongwe [mooki yo o kwadiseditsweng go belegisa] mooki yo o weditseng khoso e e rebotsweng ya katiso le yo o dirang go senya mpa go go kailweng mo karolong 21a;
b e seng ngaka mme a dira go senya mpa go go kailweng mo karolong ya 21b gongwe c; [gongwe]
c o thibelang go ntshiwa ga mpa go go mo molaong gongwe a kgoreletsa kgonagalo ya phitlhelelo ya setheo se se nang le tirelo ya go senya mpa; gongwe d o senyang mpa gongwe a letla gore go senngwe mpa kwa setheong se se sa rebolwang go ya ka karolo ya 31, o tla bo a le molato mme a ka tshwanelwa ke go tshwarwa gongwe go lefisiwa gongwe tlhatlhelwa kwa kgolegelong sebaka se se sa feteng dingwaga di le 10.
Kemedi ya ditlhaloso dingwe mo Molaong wa bo 92 1996
Molaomogolo jaanong o tlhabololwa ka kemedi ya tlhaloso ya "mooki yo o kwadisitsweng yo o belegisang", gongwe le gongwe fa e tlhagelelang gona, ka tlhaloso ya "mooki yo o kwadisitsweng".
Tlamelo ya Kgabaganyo
Setheo sengwe le sengwe se se goeleditsweng go ya ka karolo ya 3 ya Molaomogolo pele ga tshimologo ya Molao ono, se tshwanetse go tsewa se setse se rebotswe ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo ya 3 (b) ya Molaomogolo jaaka o tlhabolotswe ke Molao ono.
Setlhogwana
Molao ono o bidiwa Molao o o Tlhabolotsweng wa Tlhopho ya go Senya Mpa wa 2003.
MEMORANTAMO O O KA GA MAIKEMISETSO A MOLAOTLHOMO O O TLHABOLOLWANG WA TLHOPHO YA GO NTSHA MPA WA 2003
MAIKEMISETSO A MOLAOTLHOMO
Maikemisetso a Molaotlhomo ke -
a go letla gore baoki ba ba kwadisitsweng, ba ba tsenetseng katiso e e rebotsweng ba tsweletse tiro ya go senya mpa, go na le go letla fela baoki ba ba katiseditsweng go belegisa ba ba kwadisitsweng go dira jalo;
b go tlosa gore dithata tsa go swetsa ka ditheo tse di ka diragatsang go ntsha mpa di se nne fela mo go Tona, ka ntlha ya fa seno e le thulaganyo e e tsayang lobaka lo lo leele, le go naya Mokhuduthamaga wa porofense yo o rweleng maikarabelo a boitekanelo mo porofenseng eo, dithata tsa go rebola ditheo tseo;
c go letla gore ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete tse di nang le tirelo ya baimana ya diura di le 24, di ntshe dimpa tsa go fitlha go, le go akaretsa dibeke di le 12, ntle le go kopa thebolo go tswa go Mokhuduthamaga yo o maleba;
d) go naya Mokhuduthamaga yo o maleba dithata tsa go laola ka melawana, ditlhokego le seemo se se tlhokegang mo ditheong tse go ka ntshiwang dimpa kwa go tsona (gore go latelwe dithulaganyo tse di tshwanang, Tona o tshwanetse go rebola melawana pele e ka tsenngwa tirisong;
e go baya tlhokego ya gore Mokhuduthamaga yo o maleba a dire pegelo ya ngwaga le ngwaga malebana le palo ya ditheo tse a di rebotseng;
f go baya tlhokego ya gore ditlhogo tse di maleba tsa mafapha a porofense di tlhagise tshedimosetso e e rileng e e laotsweng, go Mokaedi Kakaretso wa Boitekanelo; le f go dira gore fa motho mongwe a ka ntsha mpa e se ka fa molaong gongwe a ka letla gore go ntshiwe mpa kwa setheong se se sa rebolwang go ya ka Molao, seo e nne molato.
PATLOMAIKUTLO
Molaotlhomo o phasaladitswe mo Kaseteng go ngoka ditshwaelo tsa setšhaba. Ka ntlha ya fa tlhabololo e sa akaretse go suta thata mo pholesing, Lefapha le tsere fela ditshwaelo tse di amogetsweng.
BOKAO JWA DITŠHELETE MO MMUSONG
Ntle le dikopo tse di solofetsweng go oketsega tsa go ntsha mpa, tse e leng gore di ka baka koketsego e se seng kae ya ditekanyetsokabo tsa dipetlele tse di farologaneng, ga go a solofelwa gore ditšhelete di amege mo go kalo. Go solofetswe fa ditshenyegelo tse di ka nnang teng di tla kgona go akarediwa mo tekanyetsokabong ka kakaretso e e abelwang ditheo.
THULAGANYO YA PALAMENTE
Mogakolodi wa Molao wa Mmuso le Lefapha la Boitekanelo ba dumela fa Molaotlhomo ono o tshwanetse go tsewa go ya ka dithulaganyo tse di rebotsweng mo Karolong ya 76 kgotsa ya Molaotheo, ka ntlha ya fa o wela mo karolong ya tiro e e tlhagelelang mo lenaaneng la Sejule ya bo4, e leng "Diirelo tsa Boitekanelo"
